DINGWAGA DI LE MASOME A MARATARO TSA KGASO YA SETSWANA

Mono ngwaga, seromamowa se se tona sa Setswana, Motsweding FM, se keteka dingwaga di le masome a marataro tsa kgaso ya loleme la Setswana le le sa pekanngwang le sepe. Dingwaga tseno di bone Motsweding FM e rwala maikarabelo a go dibela puo le setso sa Setswana, Motsweding FM e motlotlo e bile e ikgantsha ka matlhaku a bogologolo le a maswa. Jaaka setheo se segolo, re tlhaloganya botlhokwa jwa go dirisana le baitseanape ba loleme la Setswana le go rotloetsa ba ba se buang go tswelela gonne puo e e sa buiweng ya nyelela. Motsweding FM e ipela ka lobebe la bagasi ba basha ba ba anyang kitso go tswa go ba maloba.

Seabe sa kgaso ya Setswana ga se utlwale mo moweng fela. Badiragatsi ba televeshene gore ba kgone go bua Setswana se se tlhololo, ba reetsa Motsweding FM. Eno ke ntlha e tlhagelelang gangwe le gape fa o reetsa dipuisano tse di farologaneng tse di gwetlhang go itse gore ba ithuta puo kae.

Jaaka setheo gore gompieno re be re santse re le maleba, re leboga seabe sa bareetsi. Ke bone motheo wa tsotlhe. Fa re bua ka bareetsi re akaretsa ba ba simolotseng le seromamowa go tswa kwa se simologileng gone, le ba ba simolotseng go reetsa maabane. Fa potso e bodiwa, selo se le sengwe se se tlhagelelang kwa setlhoeng ke monate le molodi wa Setswana o tshedimosetso e aroganngwang ka one, le thuto e ka gale e leng modi wa kgaso.

Jaaka Batswana, segarona se re gopotsa ka nako tsotlhe gore motho a ka se iphetse, ke ka moo re netefatsang gore fa re bua ka badiri re akaretsa botlhe ba ba dirang gore Motsweding FM e nne seromamowa se se eletsegang ka tsebe. Badiri ba o ba akaretsa badisadikago, baphepafatsi, basetegeniki, bagasi, batlhagisi, le botlhe ba e leng batsaakarolo ka mekgwa e e farologaneng.

Maikano a re a tsayang jaaka seromamowa ke go netefatsa gore mmino wa Setswana o a lediwa le gore bakwadi ba Setswana le botlhe ba tshegeditseng ngwao ba bona serala sa go supetsa Afrika Borwa le lefatshe ka kakaretso, manontlhotlho a Setswana. Kgetsi ya tsie e ka go tshwaraganelwa ebile kgetsi ya puo ga e tlale. Pula!

 

By Itumeleng Bahetane